Ka ga
Se o tshwanetseng go se dira
Nako ya tiragatso
Tuelo ke bokae
Diforomo tse di tladiwang
O ka golagana le mang
Ka ga go tswala setheo sa legae la batsofe
A o rata go tswala setheo sa legae la batsofe le go phimola setifikeiti sa gago sa kwadiso? O tshwanetse go itsise Lefapha la Tlhabololo ya Loago le batsofe mo matsatsing a le 90 a maikaelelo a gago go tshwala lefelo leo.
Legae le le tshwanetse go netefatsa gore batsofe ba elediwa ka tshwanelo pele lefelo la bonno le tswalwa.
O tshwanetse go batla bonno jo bo tshwanetseng batsofe kwa lefelong le lengwe la batsofe le le kwadisitsweng mme o busetse setifikeiti sa kwadiso kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
Se o tshwanetseng go se dira
- Tlatsa foromo 12 kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
- Morago ga go isa kopo ya gago o tla newa foromo ya kamogelo (foromo 13) jaaka bopaki jwa kopo ya gago.
- Lefapha le tshwanetse go sekaseka lefelo la bonno le o le tlhophileng le batsofe ba tla isiwang kwa go lona.
- O tshwanetse go isa pegelo go Lefapha e e tlhagisang dikgato le maiteko a o a tsereng go batlela batsofe lefelobonno le lengwe.
Diforomo tse di tladiwang
Diforomo tsa kopo di bonwa kwa kantorong e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago.
- Foromo 12: Kitsiso ya maikaelelo a go tswala lefelo la legae la batsofe
- Foromo 13: Foromo ya kamogelo
O ka golagana le mang