Ka ga | Se o tshwanetseng go se dira | Nako ya tiragatso | Tuelo ke bokae | Diforomo tse di tladiwang | O ka golagana le mang
Ka ga go kwadisa jaaka moreboladitirelo wa setheo se se ikaegileng ka setšhaba
Fa o rata go rebola tirelo e e ikaegileng ka setšhaba ya tlhokomelo le tshegetso go batsofe, o tshwanetse go dira kopo kwa kantorong e e gaufi nao ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago. Tlatsa foromo e e tshwanang le Foromo 2.
Lefapha le tlamela ka matlole le tshegetso go mekgatlo e e rebolang ditirelo tse di farologaneng go batho le malapa a a tshwaeditsweng le go angwa ke HIV le AIDS. Mekgatlo e e tlamela ka ditirelo mo magaeng kgotsa mo setšhabeng go netefatsa gore ditlhoko tsa motheo tsa batho ba ba tshelang ka HIV le AIDS (PLWHA) di a fitlhelelwa.
Se o tshwanetseng go se dira
- Fa o sa itse lefelo lepe fela la bonno, etela kantoro e e gaufi ya Lefapha la Tlhabololo ya Loago go supa lefelo le le gaufi la bonno.
- Tlatsa le go busetsa diforomo tsa kopo kwa lefelong leo.
- Isa tse di latelang:
- Lekwaloitshupo la Aforika Borwa.
- Pegelo ya boitekanelo.
- O tla tlhatlhobiwa go bona gore a o tshwanelwa ke go amogelwa le thuso ka matlole.
- Fa o tsofetse thata kgotsa o lwala go ka ya kwa kantorong go dira kopo, kopa wa lelapa kgotsa tsala go go direla kopo
- Modirediloago o tla rulaganya go etela kwa lapeng la gago go bona maemo a o nna mo go ona
- Fa kopo ya gago e gannwe, o tla newa mabaka ka go kwala, o ka ikuela go Tona ya Tlhabololo ya Loago
Ela tlhoko: Go amogelwa kwa lefelong la bonno la batsofe go ikaegile ka go nna teng ga malao.
Nako ya tiragatso
Kopo ya gago e tla diragadiwa mo matsatsing a le 14 mme o tla amogela karabo ya go amogelwa ga gago mo matsatsing a le le 30 morago ga go isa kopo ya gago.
Diforomo tse di tladiwang
All forms are available at your nearest older persons residential facility.